2 Corinthians 8

Go aba ga bone go a akgolwa

1Mme jaanong ke batla go lo bolelela se Modimo mo tshegofatsong ya one o se diretseng diphuthego mo Masedonia.

2Le fa ba ne ba feta mo matshwenyegong a magolo le dinako tse di thata, ba tlhakantse boitumelojwa bone jo bo hakgamatsang le lehuma la bone, mme ka ntlha ya go dira jalo ga penologa letlotlo la go aba ga bone. 3Ba ne ba sa abe fela mo ba ka go kgonang mme ba ne ba aba mo go ntsi; ebile ke ka supa gore ba ne ba batla go dira jalo e seng ka ntlha ya go ba tshwenya ga me.

4Ba re kopile go tsaya madi gore ba tle ba a tlhakanele mo boitumelong jwa go thusa Bakeresete mo Jerusalema.

5Mo go tsone tsotlhe, ba fetile mo re neng re go solofetse, gonne tiro ya bone ya ntlha e ne e le go ikopanya le Morena le rona, mo ditaelong dingwe le dingwe tse Modimo o ka bong o di ba neile ka rona.

6Ba ne ba na le kgatlhego thata kaga gone gore re bo re kgothaditse Tito, yo o kgothaditseng go aba ga lona mo tshimologong, go lo etela le go lo kgothatsa go fetsa seabe sa lona mo tirelong e ya go aba. 7Lona batho ba lo koo go na le baeteledipele ka ditsela tse dintsi, lona le tumelo e kgolo, bareri ba bantsi ba ba siameng, thuto e ntsi, tlhwaafalo e kgolo le lorato mo go rona. Jaanong ke batla lo nna baeteledipele mo neong ya go aba ka bopelonomi.

8Ga ke lo neye taolo, ga ke re lo e dire, mme bangwe ba a e eletsa. Se ke tsela e le nngwe go supa gore lorato lwa lona ke lwa boammaaruri, gore lo feta mafoko fela.

9Lo itse ka fa Morena wa rona Jesu Keresete o neng a le lorato le bonolo ka teng: Le fa a ne a humile thata, ka ntlha ya go lo thusa o ne a humanega thata, gore ka go humanega ga gagwe a lo humise.

10Ke batla go ntsha mogopolo wa gore lo fetse tse lo simolotseng go di dira mo ngwageng e e fetileng, gonne lo ne lo se ba ntlha go bua mogopolo o, mme lo ba ntlha go simolola go dira sengwe kaga one.

11Ka lo simolotse ka tlhwaafalo e kgolo, lo tshwanetse go fetsa tiro e fela ka boitumelo, lo aba se lo ka se abang mo go se lo nang naso. A mogopolo wa lona o o simologileng ka tlhwaafalo o lekalekane le tiro ya lona ya boammaaruri jaanong. 12Fa tota lo tlhwaafaletse go aba, jalo ga go botlhokwa gore lo aba go le kae. Modimo o batla lo aba se lo nang naso, e seng se lo senang naso.

13Mme ga ke reye gore ba ba amogelang dimpho tsa lona ba thube kobo segole (iketlo) ka ditshenyegelo tsa lona, 14mme lo tshwanetse lo abelane nabo. Gone jaanong lo na le mo go ntsi, lo ka ba thusa; ka nako e nngwe ba ka abelana le lona fa lo tlhoka. 15Ka tsela e mongwe le mongwe o tlaa nna le sengwe le sengwe se a se tlhokang.

Tito o rongwa kwa Korintha

16Ke leboga Modimo ka gore o neile Tito tlhwaafalo mo go lona e ke nang nayo. 17O itumelela go latela mogopolo wa me gore a lo etele gape, mme ke solofela gore o ka ba a tsile, gonne o tlhwaafaletse go lo bona! 18Ke mo romela le mokaulengwe yo o itsegeng sentle, yo o bakwang thata e le Moreri wa Mafoko a a Molemo mo diphuthegong tsotlhe. 19Mme tota, monna yo o tlhophilwe ke diphuthego go tsamaya le nna go isa mpho ya Jerusalema. Se se tlaa galaletsa Morena se bo se supa tlhwaafalo ya rona go thusa ba bangwe.

20Ka go tsamaya mmogo re tlaa bo re itshireletsa mo dipelaelong dingwe le dingwe, gonne re eletsa gore ope a se ka a re bona molato ka mokgwa o re tshotseng mpho e kgolo e ka one. 21Modimo o a itse gore re a ikanyega, mme ke batla gore mongwe le mongwe le ene a itse. Ke gone ka moo re dirileng thulaganyo e.

22Mme ke santse ke lo romelela mokaulengwe yo mongwe, yo re mo itseng go tswa mo maitemogelong gore ke Mokeresete yo o tsepameng. O na le kgatlhego, fa a lebelela loeto lo, ka gore ke mmoleletse gotlhe kaga tlhwaafalo ya lona ya go thusa.

23Fa mongwe a botsa gore Tito ke mang, lo re ke modiri ka nna, mothusi wa me mo go lo thuseng, mme lo ka nna lwa re bakaulengwe ba bangwe ba babedi ba emetse diphuthego fano, ke dikai tse di galalelang tsa ba e leng ba Morena.

24Tswee-tswee supang lorato lwa lona mo go nna mo banneng ba, mme lo ba direle gotlhe mo ke ikgantshitseng ka gone gore lo tlaa go dira.
Copyright information for TsnLEF